Share

Bomme ke masupatsela

Ka la 9 Phatwe 1956 bomme ba Aforikaborwa ba ba fetang 20 000, ba merafe yotlhe ba ne ba lwela kgololosego ya bona.

Bana ba gwantela kwa Union Buildings, ba kgaratlha kgatlhano le molao wa dipasa wa Urban Areas Act of 1950. Mo kgweding eno re lebisa tlotlo le ditebogo go bomme. Kana mme o re tsetse rotlhe; ka re le Morwa Motho tota. Mme o mabogodika.

Morutabana wa ntlha wa ngwana ke mme.

O mo ruta go dula, go gagaba, go ema, go tsamaya, go bua, go tlhapa, maitseo le tse dingwe.

O ka tlhomoga pelo go bona mme a tswa tirong, a tla a lapile, a fitlhele ngwana wa sekolo a mo emetse go mo thusa tirogae.

Ka dinako dingwe ngwana o batla thuso ka serutwa se mme a sa se tlhaloganyeng sentle. O tlaa dira ka gotlhe gore ngwana a thusege.

Fa go le metshameko kwa sekoleng, gantsi mme ke ena motsadi yo o tshegetsang ngwana le go mo rotloetsa go dira ka natla. Dikopano kwa sekoleng tse di tlhokang batsadi, bogolo jwa batsadi ba ba di tsenelang ke bomme.

Bomme ba bantsi ke badumedi. Dikereke di tletse bomme.

Gantsi ke bona ba rutang bana go rapela, go tsena mekgatlo ya kereke le go buisa Beibele ka gale.

Mme ke mooki wa ngwana. Fa ngwana a bobola, mme ke ena motho wa ntlha go lemoga le go mo tlhokomela.

Le gare ga bosigo o tla fitlhela mme a nosa lesea melemo gore o fole. Fa go le maruru o mo apesa gore a se utlwe serame.

Fa lesea le gotetse le gona mme o tla tlhokomela gore le thuthafale. Fa lesea le tshwanelwa ke go fetolelwa mengato le thusiwa ke mme.

Ka gale mme ke seapei sa lelapa. Balelapa ba bone maikatlapelo a go dira ditiro tse di fapaaneng.

O baakanyetsa balelapa diyamaleng tsa letsatsi lotlhe. O baakanyetsa mogatse le bana dijo a be a ba fe mefago ya go ja kwa sekoleng le kwa ditirong.

Mme a dira kgotsa a sa dire, ke ena motlhokomedi wa ntlha wa lelapa. O bona gore ntlo e nne phepa.

O tlhokomela gore diaparo tsa balelapa di phepa ka dinako tsotlhe.

Fa go ka twe ngwana go na le phoso e a e dirileng mo motseng kgotsa kwa sekolong, mmaagwe o fetoga mmueledi wa gagwe go mo sireletsa. Ka dinako tse dingwe ngwana o phoso fela mme o kgweediwa ke lerato la setsadi. O tlaa dira ka mokgwa o a ka kgonang ka ona go thusa ngwana wa gagwe.

Mme o matla e bile o kgona go emelana le mathata. A motho wa rre a ka kgona go tsamaya letsatsi lotlhe ka setlhako sa topo e tshesane?

Mme ke pholo e e mokotla o sephara.

Ke pêtlêkê ya malemelagotlhe; makgonatsotlhe tota. Ga a na letsatsi la boikhutso. A letsatsi le lengwe le lengwe e nne Letsatsi la Bomme gonne ba dira ka thata kwa ntle ga tuelo epe.

A Modimo A re bolokele bomme!

We live in a world where facts and fiction get blurred
Who we choose to trust can have a profound impact on our lives. Join thousands of devoted South Africans who look to News24 to bring them news they can trust every day. As we celebrate 25 years, become a News24 subscriber as we strive to keep you informed, inspired and empowered.
Join News24 today
heading
description
username
Show Comments ()
Voting Booth
What is a non-negotiable when considering the election manifestos from various parties?
Please select an option Oops! Something went wrong, please try again later.
Results
A solid plan for load shedding
15% - 443 votes
Bold climate change objectives
1% - 30 votes
Roadmap for economic recovery
51% - 1530 votes
Solutions to SA's crime crisis
33% - 977 votes
Vote
Rand - Dollar
19.00
-0.5%
Rand - Pound
23.95
-0.3%
Rand - Euro
20.51
-0.2%
Rand - Aus dollar
12.34
+0.1%
Rand - Yen
0.13
-0.5%
Platinum
895.30
-0.2%
Palladium
991.47
-1.0%
Gold
2,196.11
+0.1%
Silver
24.46
-0.8%
Brent Crude
86.09
-0.2%
Top 40
67,818
+0.2%
All Share
74,028
+0.2%
Resource 10
56,225
+1.0%
Industrial 25
103,464
+0.2%
Financial 15
16,455
-0.4%
All JSE data delayed by at least 15 minutes Iress logo
Editorial feedback and complaints

Contact the public editor with feedback for our journalists, complaints, queries or suggestions about articles on News24.

LEARN MORE