Bomme ke masupatsela

Ka la 9 Phatwe 1956 bomme ba Aforikaborwa ba ba fetang 20 000, ba merafe yotlhe ba ne ba lwela kgololosego ya bona.

Bana ba gwantela kwa Union Buildings, ba kgaratlha kgatlhano le molao wa dipasa wa Urban Areas Act of 1950. Mo kgweding eno re lebisa tlotlo le ditebogo go bomme. Kana mme o re tsetse rotlhe; ka re le Morwa Motho tota. Mme o mabogodika.

Morutabana wa ntlha wa ngwana ke mme.

O mo ruta go dula, go gagaba, go ema, go tsamaya, go bua, go tlhapa, maitseo le tse dingwe.

O ka tlhomoga pelo go bona mme a tswa tirong, a tla a lapile, a fitlhele ngwana wa sekolo a mo emetse go mo thusa tirogae.

Ka dinako dingwe ngwana o batla thuso ka serutwa se mme a sa se tlhaloganyeng sentle. O tlaa dira ka gotlhe gore ngwana a thusege.

Fa go le metshameko kwa sekoleng, gantsi mme ke ena motsadi yo o tshegetsang ngwana le go mo rotloetsa go dira ka natla. Dikopano kwa sekoleng tse di tlhokang batsadi, bogolo jwa batsadi ba ba di tsenelang ke bomme.

Bomme ba bantsi ke badumedi. Dikereke di tletse bomme. Gantsi ke bona ba rutang bana go rapela, go tsena mekgatlo ya kereke le go buisa Beibele ka gale.

Mme ke mooki wa ngwana. Fa ngwana a bobola, mme ke ena motho wa ntlha go lemoga le go mo tlhokomela.

Le gare ga bosigo o tla fitlhela mme a nosa lesea melemo gore o fole. Fa go le maruru o mo apesa gore a se utlwe serame.

Fa lesea le gotetse le gona mme o tla tlhokomela gore le thuthafale. Fa lesea le tshwanelwa ke go fetolelwa mengato le thusiwa ke mme.

Ka gale mme ke seapei sa lelapa. Balelapa ba bone maikatlapelo a go dira ditiro tse di fapaaneng.

O baakanyetsa balelapa diyamaleng tsa letsatsi lotlhe. O baakanyetsa mogatse le bana dijo a be a ba fe mefago ya go ja kwa sekoleng le kwa ditirong.

Mme a dira kgotsa a sa dire, ke ena motlhokomedi wa ntlha wa lelapa. O bona gore ntlo e nne phepa.

O tlhokomela gore diaparo tsa balelapa di phepa ka dinako tsotlhe.Fa go ka twe ngwana go na le phoso e a e dirileng mo motseng kgotsa kwa sekolong, mmaagwe o fetoga mmueledi wa gagwe go mo sireletsa. Ka dinako tse dingwe ngwana o phoso fela mme o kgweediwa ke lerato la setsadi. O tlaa dira ka mokgwa o a ka kgonang ka ona go thusa ngwana wa gagwe.

Mme o matla e bile o kgona go emelana le mathata. A motho wa rre a ka kgona go tsamaya letsatsi lotlhe ka setlhako sa topo e tshesane?

Mme ke pholo e e mokotla o sephara.

Ke pêtlêkê ya malemelagotlhe; makgonatsotlhe tota. Ga a na letsatsi la boikhutso. A letsatsi le lengwe le lengwe e nne Letsatsi la Bomme gonne ba dira ka thata kwa ntle ga tuelo epe.

A Modimo A re bolokele bomme!